lirik.web.id
a b c d e f g h i j k l m n o p q r s t u v w x y z 0 1 2 3 4 5 6 7 8 9 #

lirik lagu idle – matlho

Loading...

verse 1

matlho moeletsi wa dipono
a eleditse dipono tsa go khgatlhisa
di kgatlhile pelo ya go rathagana ka sekota
e wetse nageng tsa go botha
hale ko mabothong re lebile basadi
go fetile o mo leele wa go besa pelo
ga feta o mokhutshwane wa go okola pelo
a rogilwe ke yo mmele monnye
a tonolwa ke yo o matshwaro
tadi-tadi, a tadintse o bopegileng marago
e tle ere a leba a tlotle le pelo

verse 2

ditlotlo tsa matlho le pelo
di bua ka sebopego, popego ya mahatlha
a timeletse tlase ga seledu felo la go kgatlha
ke ao a tlhogile diatla, dilo tsa go patla-patla
thotobolong ya menagano kea batla-batla
kana ke ipeetse lekgoanyana
ke le somile ka fa tlase ga lentariana
batho ba rokwa, khonou, basetlhana
selo se tlhaloganyo potomente ya tshetsana
e tle ke nyeye jaaka monna wa setseno
selo se matlho seapola motho seipatlela matseno

verse 3

matlho a tsupile molomo a roga moji
pounama tsa moji, moji o atla motho
o jang o roga o mongwe selo se puo ya rialo
a tsomile motho, ke yoo o moshampa batla mealo
dikgolokwe dikima, ditshesane
sedirisiwa sa go shakgatsa kgalogo
e re go bona a galale a batle tshenolo
a batle go bona monwana a bone lerago
dikgolokwe dilo tsa metlae dilo tsa dithago
gatwe a bonwe golo gongwe a rogana
a tsere mole, a tsaa mole ga tlhakana


Lirik lagu lainnya:

LIRIK YANG LAGI HITS MINGGU INI

Loading...