lirik.web.id
a b c d e f g h i j k l m n o p q r s t u v w x y z 0 1 2 3 4 5 6 7 8 9 #

lirik lagu idle – gaborone o sebodu

Loading...

go tlhagile morwa loso ka kobo-ntsho
o tsile a palame karaki ya dibokwana ba nyeula
barweetsana ba kgweetsa phefo
ba fetille ba ntsh-tse dikgono ka matlhaba-phefo
ba goa ba re laletsa nyalo

ditloloko tsa bone tsa kgadiepetsa mantshwatshwa
bone ba fetile fela, ba fetile boswaswa
ga thunya setshego, ga boa ga utlwala ditlhapa
menwana e lwetse maroba a nko
ya thamela thari matlhatsa a phadimoga borokong
thitibalong ya diemo ga sala bo ‘bono sa motho!

letsatsi a thanya
tlhatlogong a baa pitsa ya mosupologo
selai-lai sengwe se gatile katse e tswa go lowa
o e jwaitse e bedile mpa
leitlho la tsapogela digalaseng
monko wa teng wa sega sethipa
maikutlo a tlala-tlala le sejanaga

ke ngwaile gaborone, ke mo ngwaile fa nthong
ke mo fetile fa dikanting
ke fetile ke ngw-ngwaela ke kabile nko
kgakgamalong ka emiswa ke molodi
ga supuga monna-tilodi gare ga kanti
o ne a kopa lesome!

sebodu o tsetse sebotswana
sebotswana a nama se marope
rona bo phuduhudu ra felelwa ke naga
re feletse fa tlhaga e sweleng teng
mo mhapheng wa matlo-matlhatlhaganyane
ra apeswa ke leru la sebodu
re bone monna a rotha mo ditlhomesong

kgarebe gaborone o re tshwarisa mhikela
setse rele magolegwa a toronko ya menko
a itiketso a rutha jaaka khutla ya dinakedi
megotlheng d-nko di batla diphatlha
a ga se ke rwale masigo ka tlhogo
ke sianele masimo ke ye go hema
gaborone ke sebodu!


Lirik lagu lainnya:

LIRIK YANG LAGI HITS MINGGU INI

Loading...