lirik.web.id
a b c d e f g h i j k l m n o p q r s t u v w x y z 0 1 2 3 4 5 6 7 8 9 #

lirik lagu matsieng - thulamela

Loading...

aye thumela
thumela
thulegwa ka bone mathule
aye thulamela
thulegwa ka bone dibine
aye thulamela

ke re senana se baba
sona se batla se sengwe
ha senana se baba
sona se batla se sengwe

awo iyee thumela
ayee thumela
he thumela

[verse 1]

sesana wa go swa ka sala
ka sala le nyatsi tsa gago
ka sala ke ba ja ke nona
ke ba ja mpa thubega

awo iyee thumela
helele thulamela
awo iyee thumela
aye thumela
o iyee thumela
helele thulamela
awo iyee thumela
hee thulamela

[verse 2]

rre o sule ke le monnye
ke sale rantlhogonyana
o sule ke ile go tshameka
erile ke tsena ka lela

gate kgaotsa ngwanaka rrangwanago ke yo
oo iyelele
ka re rangwane wa eng wa legotswana
thulamela
ya a re ha a ja ha a nkgopole ehe
thulamela
o nkgopola mokgosi o tlhaba

ahe thulamela
ahe thulamela

[verse 3]

nkadima seratonki
ke bakise ngwana lonyalo
nthekele ya tshipi tlhe!
ya logong e ya robega
ya nama e ya ntiya
ha senana se baba
awo iye thulamela
helele thulamela
tota senana se baba
se batla se sengwe
ha senana se baba
se batla se sengwe

ho iye thulamela
thulamela
ho iye thulamela
he thulamela

siwana wa rona o a lela, thulamela
thulamela
ho iye thulamela
ho iye thulamela

ke tswa kgakala ko teng
ko teng ga dithota
ko molapong o mo ntsho
ko sekokolela
sisu ke mo tswa ko pele
ke tswa go tlhola bomalome

malome wa enye wa selo
ya re a ja ke seo
a nkobele madisong
boswa jwa ga rre botsholwa
malome wa legotswanyana
oa ba a ja dijo
a ntima boswa jotlhe
boswa jwa ga rre bo tsholwa
o seka wa thulamela
kana re letile chibuku
mme nna ga ke e nwe
bojalwa jo bo a ntena
bo salela mo menong
awo ye thulamela

ke bojalwa jo jwa badisa
aye thulamela

banyana ba kanye ba ntsi
ba tshwana le ba ko gabane
ba ka tlala saka la kgosi
ka ba ja mpa thubega

maerase wa go swa ka sala
ka sala le nyatsi tsa gago
ka sala ke ba ja ke nona
ke ba ja mpa thubega

banyana ba gagwe ba ntsi
ke tlatsa ka lesaka la kgosi
ke raya ba ba ko gabane
o kgaba ka bone bosigo

o itsheletse [?]
ko motlhaleng wa banyana
mme mme ga a e rate
o ka ithuba mo isong
re ka mo isa ko kgosing

kgosi ke raya wa maina
wa maina legabala
ko kgoteng ya rona
kgota ya rona ko motsing
go tswa ko ga ‘ara leema

go tswa kwa sebokolela
molopo o montshope
awo ye thulamela
ho iye thulamela

sesana a re tsamaye
mme o tloga a omana
a re wena o letse kae?
mo motlhaleng wa banyana

thulamela selonyana
thulamela selonyana
ha senana se baba
tona se batla se sengwe

ha e ka ke ka thulamela
kana ke letile monyadi
lekau le le sesanyane
ha le phinya le tsosa pheho

ke bonye ka mongwe maloba
e mo lelela tlala
a gola a kokomoga
kana o hitile ditlhare

ga ke rate go mo gopola
wa bo a toga a [?]
ke ka mmitsa ka leina
wa be a [?] dintshi

wo ye thulamela
ayee thulamela
ayee thulamela
ayee thulamela

ke isetse sengwe masori
ke raya ga malome
ha a ntuela
a ntuela ka tonki
ka re ga ke batle tonki
ke batla pudi ya moroba

awo ye thulamela
thulamela selonyana
ha senana se baba
kana se batla se sengwe
ha senana ha se baba
sone se batla se sengwe

thulamela selonyana
thulamela selonyana
thulamela selonyana
thulamela selonyana

awo yele yelele
thulamela selonyana
he thulamela

mme nthekele ya tshipi
ya logong e ya robega


Lirik lagu lainnya:

LIRIK YANG LAGI HITS MINGGU INI

Loading...